14 A gadima mme a bona mongwe a eme fa morago ga gagwe. E ne e le Jesu, mme a seka a mo lemoga! 15 Mme Jesu a mmotsa a re, "O lelelang? O batla mang?" Mme a mo raya a re, "Fa o mo tsere, mpolelela kwa o mmeileng teng, mme ke tlaa tsamaya ke ya go mo tsaya."
16 Mme Jesu a mmitsa a re, "Marea!" Mme Marea a retologela kwa go ene a araba "Morena!"