Pular para o conteúdo
Publicidade

Johane 20

Jesu o iponatsa mo barutweng ba gagwe

19 Maitseboeng ao barutwa ba ne ba kopana ba itotlelela mo tlung ka ntlha ya go boifa baeteledipele ba Sejuta, fa ka tshoganetso Jesu abo a ema fa gare ga bone! Morago a ba dumedisa, 20 a ba kaela mabogo a gagwe le lotlhakore. Mme boitumelo jwa bone jwa nna bogolo thata jang fa ba bona Morena wa bone!

21 A bua le bone gape a re, "Fela jaaka Rara a nthomile, le nna fela jalo ke a lo roma." 22 Mme a ba budulela mowa a ba raya a re, "Amogelang Mowa o o Boitshepo. 23 Fa lo itshwarela mongwe dibe, di a itshwarelwa. Fa lo gana go di itshwarela ga di itshwarelwe."

Veja também