Pular para o conteúdo
Publicidade

João 20

24 Mongwe wa barutwa ebong Thomase, "Lewelana," o ne a seyo foo ka nako e ba bangwe ba neng ba na le Jesu ka yone. 25 Ya re ba tsweletse pele ba mmolelela ba re, "Re bonye Morena," a ba fetola a re, "Ga ke na go dumela fa e se ke bone dintho tsa dimapo mo mabogong a gagwe, ke bo ke tsenya menwana ya me mo go tsone, ke bo ke tsenya seatla sa me mo lotlhakoreng lwa gagwe."

26 Erile malatsi a ferabobedi a sena go feta, barutwa ba bo ba le mmogo gape, mme ka nako e, Thomase o ne a na nabo. Dikgoro di ne di lotletswe; mme ka tshoganetso fela jaaka pele, Jesu a bo a eme fa gare ga bone a ba dumedisa.

27 Mme a raya Thomase a re, "Tsenya monwana wa gago mo diatleng tsa me. Tsenya seatla sa gago mo lotlhakoreng lwa me. O seka wa tlhola o tlhoka tumelo. Dumela!"

28 Thomase a re, "Morena wa me le Modimo wa me!"

29 Hong Jesu a mo raya a re, "O dumela ka ntlha ya gore o mponye. Go sego ba ba sa mponang mme le fa go ntse jalo ba dumela."

Veja também