Publicidade

João 21

Jesu o ntse o iponatsa mo barutweng ba gagwe

1 Mme ya re morago Jesu a bonala gape kwa barutweng fa thoko ga Lecha la Galalea. Go ne ga diragala jaana:

2 Setlhopha sa rona se ne se le teng koo, Simone Petere, Thomase "Lewelana" Nathaniele wa Kana mo Galalea, mokaulengwe Jakobe le nna le barutwa ba bangwe ba babedi.

3 Simone Petere a re, "Ke ya go tshwara ditlhapi," le rona rotlhe ra re, "Re tsamaya nao." Re ne ra dira jalo, mme ra seka ra tshwara sepe bosigo jotlhe. 4 Mme ya re ka makuku ra bona monna a eme mo moshaweng mme ra seka ra bona gore ke mang.

5 A botsa a re, "A go na le ditlhapi, basimane?" Mme ra mo fetola ra re, "Nnyaa."

6 Mme a re raya a re, "Latlhelang lotloa lwa lona ka fa letsogong le legolo la mokoro, mme lo tlaa di tshwara di le dintsi!" Ra dira jalo, mme ra seka ra kgona go goga lotloa ka ntlha ya bokete jwa ditlhapi, di ne di le dintsi thata! 7 Mme ka raya Petere ka re, "Ke Morena!" Erile fela foo, Simone Petere a apara seaparo sa gagwe (gonne o ne a se tsotse go fitlhelela kwa lothekeng). Mme a itatlhela mo metsing (a shapela kwa lotshitshing). 8 Mme rona ra sala mo mokorong ra gogela lotloa lo lo tletseng kwa moshaweng o o neng o ka nna dikgato di le makgolo a mararo. 9 Erile fa re goroga koo, ra fitlhela molelo o gotsitswe, ditlhapi di besitswe, ebile go na le senkgwe. 10 Mme Jesu a re raya a re, "Lereng dingwe tsa ditlhapi tse lo di tshwereng." 11 Mme Simone Petere a tswela kwa ntle mme a gogela lotloa kwa lotshitshing. Ka bala e le ditlhapi di le lekgolo le masome a matlhano le boraro; mme le fa go ntse jalo lotloa lo ne lo sa kgagoga!

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-