3 Mme Jesu a fetola a re, "Ka tlhoafalo yotlhe e ke nang nayo ke go bolelela se: fa o sa tsalwe sesha, ga o kake wa tsena mo Bogosing jwa Modimo." 4 Mme Nikodemo a gakgamala a re, "Ke tsalwe gape! O rayang? Motho e ka re e le mogolo o ka boela jang mo sebopelong sa ga mmaagwe gore a tsalwe gape?"
5 Mme Jesu a fetola a re, "Se ke se go bolelelang ka tlhoafalo ke se: kwa ntle ga gore motho a tsalwe ka metsi le ka mowa ga a ka ke a tsena mo Bogosing jwa Modimo.