31 Erile ka lobakanyana fa mosadi a sa ntse a ile go bolelela batho kwa motseng, barutwa ba sala ba leka go kgothaletsa Jesu go ja. 32 Mme Jesu a ba fetola a re, "Nnyaa, ke na le dijo tse lo sa itseng kaga tsone." 33 Mme barutwa ba botsanya ba re, "Yo o di mo lereditseng ke mang?"
34 Mme Jesu a ba tlhalosetsa jaana a re: "Dikotla tsa me di mo go direng go rata ga Modimo o o nthomileng, le mo go fetseng tiro ya One.