46,47 Mo lobakeng lwa loeto lwa gagwe a raletse Galalea, o ne a goroga mo motseng wa Kana kwa a neng a kile a fetola metsi mofine teng. Erile a sale teng koo, monna mongwe mo motseng wa Kaperenama, yo e neng e le kgosana, yo morwawe o neng a lwala thata, a utlwa gore Jesu o boile kwa Judea jaanong o mo Galalea. Monna yo a ya kwa Kana, a fitlhela Jesu, mme a kopa gore a ye le ene kwa Kaperenama go ya go fodisa morwawe yo a neng a le fa gare ga loso le botshelo.
48 Mme Jesu a mmotsa a re, "A ga gona ope wa lona yo o dumelang mo go nna fa e se ke tswelela ka go dira dikgakgamatso?"
49 Kgosana ya mo rapela ya re, "Rra, tswee-tswee itlhaganele pele ngwanake o a swa."
50 Mme Jesu a mo raya a re, "Boela kwa gae. Morwao o fodile!" Mme kgosana ya dumela Jesu ya boela kwa gae. 51 Mme ya re fa a sale mo tseleng, bangwe ba batlhanka ba gagwe ba mo rakantsha ka mafoko a a reng sengwe le sengwe se siame, morwao o namologile mo bolwetseng. 52 A ba botsa gore mosimanyana o sale a simolola go ikutlwa botoka leng? Mme ba mo fetola ba re, "Erile maabane mo tshokologong nako e ka nna ya bongwe, letshoroma la gagwe la bo le nyelela!" 53 Hong rraagwe a lemoga gore e ne e le ka lone lobaka lo Jesu a neng a mo raya a re, "Morwao o fodile." Mme Kgosana le bantlo ya gagwe ba dumela gore Jesu ke Mesia.
54 Se e ne e le kgakgamatso ya bobedi mo Ga-lalea morago ga go boa ga ga Jesu kwa Judea.