Publicidade

João 5

Jesu o fodisa molwetse kwa Bethesaida

1 Mme erile morago ga mo o Jesu a boela kwa Jerusalema ka ntlha ya letsatsi lengwe la malatsi a boikhutso a tumelo ya Sejuta. 2 Mo mo-tseng, gaufi le kgoro ya dinku go ne go na le Lekadiba ja Betheseda le na le maobo a le matlhano. 3 Bontsintsi jwa batho ba ba lwalang, ba ba tlho-tsang, ba ba foufetseng, kgotsa ba ba suleng mefama ba ne ba ntse mo maobong ba letetse go fetlhega ga metsi, 4 gonne moengele wa Morena o ne a tle a tle go fetlha metsi, mme motho wa ntlha go tlolela mo teng o ne a fodisiwa.

5 Mongwe wa banna ba ba neng ba namaletse gone foo, o ne a sa bolo go lwala mo dingwageng di le masome mararo le bofera bobedi.

6 Erile fa Jesu a mmona ebile a itse lobaka lo a saleng a lwala ka lone a mmotsa a re, "A o batla go fola?"

7 Mme monna yo o lwalang a re, "Ga ke kgone, ka gore ga ke na ope yo o ntsenyang mo lekadibeng ka nako ya phetlho ya metsi, e a re fa ke sa ntse ke leka go tlolela mo teng, mongwe a bo a nthaka." 8 Mme Jesu a mo raya a re, "Nanoga, phutha phate ya gago o ye gae!" 9 Ka bonako monna a fola! A phutha phate a simolola go tsamaya! Mme go ne go le letsatsi la Sabata fa kgakgamatso e e diragala.

Mme baeteledipele ba Sejuta ba nna kgatlhanong le tiro eo.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-