Pular para o conteúdo
Publicidade

João 6

Jesu o fepa dikete tse tlhano

1 Morago ga mo, Jesu a kgabaganya Lewatle la Galalea, le le itsegeng gape ka leina la Tiberia. 2-5 Mme bontsi jo bogolo jwa batho, jo bontsi jwa bone e neng e le batsamai ba ya Jerusalema kwa moletlong wa Tlolaganyo, ba bo ba mo setse mo-rago gongwe le gongwe kwa a yang teng, go mmona a fodisa balwetse. Mme erile Jesu a sena go tlha-tlogela mo thabeng a nna fa fatshe, barutwa ba gagwe ba mo dikaganyeditse, mme a tloga a bona bontsi jo bogolo jwa batho bo tlhatloga thaba bo mo senka. Hong a retologela kwa go Filipo a mo raya a re, "Filipo, re ka reka senkgwe kae go fa batho ba botlhe?" 6 (O ne a leka Filipo, gonne o ne a setse a itse se a neng a ya go se dira).

7 Filipo a fetola a re, "Go tlaa lopa madi a mantsi thata go simolola go dira jalo!"

8,9 Mme Anderea, monnaa Simone Petoro, a bua a re, "Go na le mosimanyana fano yo o tshotseng dinkgwe tsa korong di le tlhano le ditlhapi di le pedi! Mme go ka thusang fa batho ba le bantsi jaana?"

10 Mme Jesu a ba raya a re, "Rayang mongwe le mongwe a nne fa fatshe," mme botlhe fela ba nna fa fatshe mo bojannye, mme palo ya banna ba le bosi e ne e ka nna dikete di le tlhano. 11 Hong Jesu a tsaya dinkgwe, a di lebogela, a di naya batho. Morago ga moo a dira fela jalo ka ditlhapi. Mme mongwe le mongwe a ja a kgora!

12 Mme Jesu a ba raya a re, "Kokoanyang masalela, gore le fa e le sepe se seka sa latlhwa." 13 Mme diroto di le lesome le bobedi tsa tlala masalela ao!

14 Erile fa batho ba lemoga kgakgamatso e tona tona eo e e diragetseng, ba bua ka kgakgamalo ba re, "Ammaaruri, ke mopopofiti yo re ntseng re mo solofetse!"

Veja também