14 Mme erile go setse go le fa gare ga moletlo, Jesu a ya kwa Tempeleng mme a feta a ruta mo pontsheng. 15 Baeteledipele ba Sejuta ba hakgamala fa ba mo utlwa, mme ba botsanya ba re, "Ke eng fa a itse thata jaana mme a ise a ke a tsene dikole tsa rona?"
16 Mme Jesu a ba raya a re, "Ga ke lo rute megopolo ya me, fa e se ya Modimo o o nthomileng. 17 Fa mongwe wa lona a ikaelela go dira go rata ga Modimo ka boammaaruri, hong lo tlaa itse gore a thuto ya me e tswa Modimong kgotsa ke ya me fela. 18 Le fa e le mang yo o ntshang megopolo ya gagwe o a bo a ipuisa a batla go galalediwa, mme yo o batlang go tlotla yo o mo romileng, ke motho yo o siameng yo o boammaaruri.