4 Ba raya Jesu ba re, "Moruti, mosadi yo o tshwerwe fela a santse a dira boaka. 5 Molao wa ga Moshe wa re a bolawe. Wa reng ka ga gone?"
6 Ba ne ba leka go mmeela seru sa gore a bue sengwe se ba tlaa mmonang molato ka sone, mme Jesu a inama a kwala mo mmung ka monwana wa gagwe.
7 Ba tswelela pele ba batla karabo mo go Jesu, jalo a inamologa a ba raya a re, "Go siame, mo kgobotleng ka matlapa go fitlhela a swa. Mme le gale a konopiwe lwa ntlha ke yo a iseng a ke a leofe."
8 Mme a inama a kwala gape mo mmung. 9 Mme baeteledipele ba Sejuta ba ngwangwaela ka bongwe ka bongwe go simolola ka yo mogolo mo go bone go fitlhelela Jesu le mosadi ba sala ba le bosi fa pele ga bontsintsi jwa batho.
10 Mme Jesu a inamologa gape mme a mo raya a re, "Ba ba go bayang molato ba kae? A le fa e le ope wa bone ga aa go sekisa?"
11 Mme mosadi a fetola a re, "Nnyaa rra." Mme Jesu a mo raya a re, "Le nna ga ke go sekise. Tsamaya mme o seka wa tlhola o leofa."