Pular para o conteúdo
Publicidade

João 9

Jesu o foufolola sefofu

1 Mme ya re a santse a tsamaya, a bona monna yo o saleng a tsalwa a foufetse. 2 Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, "Morena, ke eng fa monna yo a tsetswe e le sefofu? A ke ka ntlha ya dibe tsa gagwe kgotsa dibe tsa batsadi ba gagwe?" 3 Mme Jesu a araba a re, "Ga se ka ntlha ya dibe dipe. Go ne go direlwa gore nonofo ya Modimo e supiwe. 4 Rotlhe re tshwanetse go akofa ra dira ditiro tse re di neetsweng ke yo o nthomileng, gonne go setse nakonyana fela pele ga bosigo bo tla mme tiro yotlhe e bo e khutla. 5 Mme fa ke santse ke le fano mo lefatsheng, ke naya lefatshe lesedi la me."

6 Mme a kgwela mathe mo mmung a duba seretse ka mathe mme a se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng, 7 mme a mo raya a re, "Tsamaya o ye go tlhapa mo lekadibeng la Siloame" (lefoko le le reng Siloamele raya gore Romilwe) jalo monna a ya kwa a romilweng teng, mme a feta a tlhapa a boela kwa morago a bona! 8 Mme ba ga gabo le batho ba bangwe ba ba mo itseng e le sefofu sa mokopi ba botsanya ba re, "A yo ke ene tota, mokopi yo re mo itseng?"

9 Bangwe ba re, ee, mme ba bangwe ba re nnyaa. Jalo ba akanyetsa ba re, "Ga e ka ke ya nna ene, mme o lebega jaaka ene!" Mme mokopi a ba raya a re, "Ke nna yo lo nkitseng!"

10 Mme ba mmotsa gore go diragetse jang gore a foufologe. Tota-tota go tsamaile jang!

11 Mme a ba raya a re, "Monna yo ba mmitsang Jesu o ne a duba seretse a se tshasa mo matlhong a me mme a nthaya a re ke ye kwa lekadibeng la Siloame ke ye go tlhapa seretse. Mme ke ne ka dira jalo, jaanong ke a bona!"

12 Mme ba mmotsa ba re, "O kae jaanong?" Mme a araba a re, "Ga ke itse."

Veja também