1 Mme ya re a santse a tsamaya, a bona monna yo o saleng a tsalwa a foufetse. 2 Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, "Morena, ke eng fa monna yo a tsetswe e le sefofu? A ke ka ntlha ya dibe tsa gagwe kgotsa dibe tsa batsadi ba gagwe?" 3 Mme Jesu a araba a re, "Ga se ka ntlha ya dibe dipe. Go ne go direlwa gore nonofo ya Modimo e supiwe. 4 Rotlhe re tshwanetse go akofa ra dira ditiro tse re di neetsweng ke yo o nthomileng, gonne go setse nakonyana fela pele ga bosigo bo tla mme tiro yotlhe e bo e khutla. 5 Mme fa ke santse ke le fano mo lefatsheng, ke naya lefatshe lesedi la me."
6 Mme a kgwela mathe mo mmung a duba seretse ka mathe mme a se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng, 7 mme a mo raya a re, "Tsamaya o ye go tlhapa mo lekadibeng la Siloame" (lefoko le le reng ‘Siloame’ le raya gore ‘Romilwe’) jalo monna a ya kwa a romilweng teng, mme a feta a tlhapa a boela kwa morago a bona!