26 Kgwedi e e latelang Modimo wa roma moengele Gabariele kwa Nasaretha, motse wa Galalea, 27 kwa kgarebaneng, Marea, yo o neng a beeletswe go nyalwa ke monna yo o neng a bidiwa Josefe, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide.
28 Gabariele a iponatsa mo go ene a re, "A go nne boitumelo kgarebane e e rategang! Morena o na le wena!"