Pular para o conteúdo
Publicidade

Lucas 1

Molaetsa ka go tsalwa ga ga Jesu

26 Kgwedi e e latelang Modimo wa roma moengele Gabariele kwa Nasaretha, motse wa Galalea, 27 kwa kgarebaneng, Marea, yo o neng a beeletswe go nyalwa ke monna yo o neng a bidiwa Josefe, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide.

28 Gabariele a iponatsa mo go ene a re, "A go nne boitumelo kgarebane e e rategang! Morena o na le wena!"

29 Marea o ne a tshwenyegile thata fa a leka go akanya se moengele a ka neng a se raya.

30 Moengele a mo raya a re, "Se tshoge Marea, gonne Modimo o thata. 31 Ka bonako jaanong o tlaa ithwala mme o tlaa nna le ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re Jesu32 O tlaa nna mogolo thata mme o tlaa bidiwa Morwa Modimo. Mme Morena Modimo o tlaa mo naya setilo sa bogosi sa mogolwagolwane wa gagwe Dafide. 33 O tlaa busa mo Iseraela ka bosakhutleng, Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo fela!"

34 Mme Marea a botsa moengele a re, "Ke ka nna jang le ngwana? ke le kgarebane."

35 Moengele a mo fetola a re, "Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Modimo e tlaa go apesa, jalo ngwana yo o tlaa mo tsholang o tlaa ba a le boitshepo e le Morwa Modimo. 36 Mo godimo ga moo, Elisabetha ntsalao wa moopajaaka a bidiwa-o setse a na le dikgwedi di le thataro a ithwele mo botsofeng ja gagwe! 37 Gonne tsholofetso nngwe le nngwe e e tswang mo Modimong e tlaa diragala."

38 Mme Marea a re, "Ke motlhanka wa Morena e bile ke batla go dira sengwe le sengwe se o se batlang. A sengwe le sengwe se o se buileng se diragale." Hong moengele a nyelela.

Veja também