34 Mme Marea a botsa moengele a re, "Ke ka nna jang le ngwana? ke le kgarebane."
35 Moengele a mo fetola a re, "Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Modimo e tlaa go apesa, jalo ngwana yo o tlaa mo tsholang o tlaa ba a le boitshepo e le Morwa Modimo. 36 Mo godimo ga moo, Elisabetha ntsalao wa ‘moopa’ jaaka a bidiwa-o setse a na le dikgwedi di le thataro a ithwele mo botsofeng ja gagwe! 37 Gonne tsholofetso nngwe le nngwe e e tswang mo Modimong e tlaa diragala."
38 Mme Marea a re, "Ke motlhanka wa Morena e bile ke batla go dira sengwe le sengwe se o se batlang. A sengwe le sengwe se o se buileng se diragale." Hong moengele a nyelela.