59 E rile fa ngwana a na le malatsi a fera bobedi botlhe ba losika le ditsala ba tla modirong wa thupiso. Botlhe ba ne ba ithaya ba re leina la ngwana e tlaa nna Sakarea, a reelelwa rraagwe. 60 Mme Elisabetha a re, "Nnyaa! O tshwanetse go bidiwa Johane!"
61 Mme ba gakgamala ba re, "Wa reng? Ga go na ope mo go ba gaeno wa leina leo." 62 Jalo ba botsa rangwana, ba bua le ene ka diatla.
63 Mme a kopa pampiri e e kwalelang mme mo kgakgamalong ya mongwe le mongwe a kwala a re, "Leina la gagwe ke Johane!"
64 Ka bonako Sakarea a kgona go bua gape, mme a simolola go baka Modimo.