Pular para o conteúdo
Publicidade

Luke 10:17-20

Go boa ga ba ba romilweng

17 Mme e rile barutwa ba gagwe ba ba masome a supa ba boa, ba mmolelela ka boitumelo ba re, "Le mewa e e maswe tota e a re utlwa fa re dirisa leina la gago." 18 Mme Jesu a ba raya a re, "Ee, ke bone Satane a wa kwa legodimong jaaka logadima! 19 Mme ke lo neetse taolo mo nonofong yotlhe ya Mmaba le go tsamaya mo gare ga dinoga le diphepheng le go di gataka. Mme ga go na sepe se se tlaa lo utlwisang botlhoko! 20 Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ga se go re mewa e e maswe e a lo utlwa, mme e bo e le gore maina a lona a kwadilwe jaaka baagedi ba legodimo."

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.