Pular para o conteúdo
Publicidade

Lucas 10

Sekai ka Mosamarea yo o Molemo

25 Ka letsatsi lengwe moitseanape wa melao ya ga Moshe a tla go leka tumelo ya ga Jesu ka go mmotsa potso e: "Moruti, motho o tshwanelwa ke go dira eng gore a nnele ruri mo legodimong?"

26 Mme Jesu a fetola a re, "Molao wa ga Moshe wa reng ka ga gone?"

27 Mme moitseanape a fetola a re, wa re, "O tshwanetse go rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo yotlhe ya gago, le ka mogopolo otlhe wa gago. Le gore o tshwanetse go rata mong ka wena fela jaaka o ithata."

28 Jesu a mo raya a re, "Go siame, dira sone se mme o tlaa tshela!"

29 Monna a batla go siamisa (go tlhaela ga lorato lwa gagwe mo bathung bangwe) jalo a botsa a re, "Bangwe ka nna ba fe?"

30 Jesu a mo fetola ka setshwantsho: a re, "Mojuta mongwe o kile ya re a etile go tswa Jerusalema go ya Jeriko a tlhaselwa ke dinokwane. Tsa mo tseela diaparo le madi tsa ba tsa mo keteka mme tsa mo tlogela a namaletse foo. 31 Ka tshoganetso Moperesiti wa Mojuta a feta ka tsela eo, mme ya re a mmona a mo feta fela. 32 Fela jalo le Molefi ya re a fitlha felong foo, mme a mmona a mo feta fela.

33 "Mme ga tla Mosamaria yo o nyatsegileng, e rile a mmona, a tlhomoga pelo thata. 34 A obama ka mangole fa go ene a tlotsa dintho tsa gagwe molemo a ba a di fapa. Mme a pega monna mo tonking a tsamaya fa thoko ga gagwe go fitlhelela ba tsena hoteleng, kwa o neng a mo oka bosigo jotlhe teng. 35 Ka letsatsi le le latelang a naya motlhokomedi wa hotele dipula di le masome a mane a mo laela gore a tlhokomele monna yoo a mo raya a re, Fa ditshenyegelo tsa gago di feta foo; ke tlaa go duela a a setseng fa ke boa.

36 "Jaanong ke ofe mo go ba bararo ba yo wena o ka reng e ne e le mongwe ka yo o bolailweng ke dinokwane?"

37 Monna a fetola a re, "Ke yo o mo tlhomoge-tseng pelo." Mme Jesu are, "Ee, jaanong tsamaya o dire fela jalo."

Veja também