Publicidade

Lucas 10

30 Jesu a mo fetola ka setshwantsho: a re, "Mojuta mongwe o kile ya re a etile go tswa Jerusalema go ya Jeriko a tlhaselwa ke dinokwane. Tsa mo tseela diaparo le madi tsa ba tsa mo keteka mme tsa mo tlogela a namaletse foo. 31 Ka tshoganetso Moperesiti wa Mojuta a feta ka tsela eo, mme ya re a mmona a mo feta fela. 32 Fela jalo le Molefi ya re a fitlha felong foo, mme a mmona a mo feta fela.

33 "Mme ga tla Mosamaria yo o nyatsegileng, e rile a mmona, a tlhomoga pelo thata. 34 A obama ka mangole fa go ene a tlotsa dintho tsa gagwe molemo a ba a di fapa. Mme a pega monna mo tonking a tsamaya fa thoko ga gagwe go fitlhelela ba tsena hoteleng, kwa o neng a mo oka bosigo jotlhe teng. 35 Ka letsatsi le le latelang a naya motlhokomedi wa hotele dipula di le masome a mane a mo laela gore a tlhokomele monna yoo a mo raya a re, ‘Fa ditshenyegelo tsa gago di feta foo; ke tlaa go duela a a setseng fa ke boa.’

36 "Jaanong ke ofe mo go ba bararo ba yo wena o ka reng e ne e le mongwe ka yo o bolailweng ke dinokwane?"

37 Monna a fetola a re, "Ke yo o mo tlhomoge-tseng pelo." Mme Jesu are, "Ee, jaanong tsamaya o dire fela jalo."

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-20_17-16-08-