10 Mme ka Sabata mongwe ya re a ruta mo senagogeng, 11 ga bo go na le sekoa sa mosadi yo o neng a obegile selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi mme a sa kgone go itlhamalatsa.
12 Mme Jesu a mmitsa a re, "Mosadi o fodisitswe mo bolwetseng jwa gago!" 13 A mo ama mme a akofa a inamologa. Hong mosadi a leboga a ba a galaletsa Modimo!
14 Mme motlhokomedi wa ntlo ya thuto ya Sejuta a gakala thata ka gonne Jesu o ne a fodisitse mosadi yoo ka letsatsi la Sabata. A goa a raya batho a re, "Go na le malatsi a le marataro mo bekeng a go dirwang ka one, ao ke one malatsi a go ka fodisiwang ka one eseng go le Sabata!"
15 Mme Morena a mo fetola a re, "Moitimokanyi ke wena! O dira go le Sabata! A ga o ko o golola dikgomo tsa gago mo marakeng a tsone go le Sabata o di kgweeletsa kwa metsing. 16 Jaanong a go phoso mo go nna, fela ka ntlha ya gore e re ka letsatsi la Sabata ke golole mosadi yo wa Mojuta mo bokgobeng jwa ga Satane selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi?"
17 Mo ga tlhabisa baba ba gagwe ditlhong. Mme batho botlhe ba itumelela tiro e ntle e o e dirileng.