Publicidade

Lucas 14

Jesu o ruta mo lwapeng lwa Mofarasai

1,2 Mme ka Sabata nngwe ya re a le mo lwapeng lwa leloko lengwe la Lekgotla la Sejuta, Bafarasai ba bo ba mo lebeletse thata jaaka bophakalane go bona gore a o tlaa fodisa monna yo o neng a le foo a lwala go tlala metsi mo ditokololong. 3 Mme Jesu a raya Bafarasai le bomaitseanape ba ba neng ba le foo a re, "A go kafa molaong go fodisa motho ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?" 4 Mme ya re ba gana go mo araba, Jesu a tshwara monna yo o lwalang ka letsogo a mo fodisa a mo rebola go tsamaya.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-