11 E rile ba ntse ba tsweletse mo loetong lwa go ya Jerusalema, ba tsena fa molelwaneng o o fa gare ga Galalea le Samarea, 12 mme ya re ba tsena mo motsaneng oo, baleperwa ba le some ba bo ba emetse kwa kgakajana, 13 ba goa ba re, "Jesu, Morena, re utlwele botlhoko!"
14 Mme a ba leba a re, "Tsamayang lo ye kwa moperesiting wa Sejuta lo mo supegetse gore lo fodisitswe!" Mme ya re ba tsamaya, boleperwa jwa bone jwa nyelela!
15 Mme mongwe wa bone a boela kwa go Jesu a goa a re, "A go galalediwe Modimo, ke fodisitswe!" 16 A wela fa fatshe fa pele ga dinao tsa ga Jesu, a lebile fa fatshe mo loroleng a lebogela se a se dirileng. Monna yo e ne e le Mosamarea yo o nyatsegileng.
17 Mme Jesu a botsa a re, "A ga ke a fodisa banna ba le lesome? Ba ba ferang bongwe ba kae? 18 A ke Modichaba yo fela yo o boileng go tla go galaletsa Modimo?"
19 Mme Jesu a mo raya a re, "Ema o tsamaye tumelo ya gago e go fodisitse."