12 mme ya re ba tsena mo motsaneng oo, baleperwa ba le some ba bo ba emetse kwa kgakajana, 13 ba goa ba re, "Jesu, Morena, re utlwele botlhoko!"
14 Mme a ba leba a re, "Tsamayang lo ye kwa moperesiting wa Sejuta lo mo supegetse gore lo fodisitswe!" Mme ya re ba tsamaya, boleperwa jwa bone jwa nyelela!
15 Mme mongwe wa bone a boela kwa go Jesu a goa a re, "A go galalediwe Modimo, ke fodisitswe!" 16 A wela fa fatshe fa pele ga dinao tsa ga Jesu, a lebile fa fatshe mo loroleng a lebogela se a se dirileng. Monna yo e ne e le Mosamarea yo o nyatsegileng.
17 Mme Jesu a botsa a re, "A ga ke a fodisa banna ba le lesome? Ba ba ferang bongwe ba kae? 18 A ke Modichaba yo fela yo o boileng go tla go galaletsa Modimo?"
19 Mme Jesu a mo raya a re, "Ema o tsamaye tumelo ya gago e go fodisitse."