Publicidade

Lucas 18

Jesu o foufolola sefofu

35 Mme ya re ba atamela Jeriko, ga bo go le monna mongwe wa sefofu a ntse fa thoko ga tsela, a kopa mo bafeting. 36 E rile a utlwa modumo wa bontsintsi bo feta a botsa gore go diragalang? 37 A bolelelwa gore Jesu wa Nasaretha o a feta.

38 Hong a simolola go goa a re, "Jesu, Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!"

39 Mme bontsintsi jwa batho jo bo neng bo eteletse Jesu pele jwa leka go didimatsa monna yo, mme a goela kwa godimo a re, "Morwa Dafide nkutlwela botlhoko!"

40 E rile Jesu a goroga fa lefelong leo a ema a re, "Lereng monna yoo wa sefofu kwano." 41 Hong Jesu a botsa monna a re, "O batlang"? A kopa a re, "Morena ke batla go bona!"

42 Jesu a mo raya a re, "Go siame, bona! Tumelo ya gago e go fodisitse!"

43 Mme ka bofefo monna a kgona go bona, a latela Jesu, a baka Modimo. Mme botlhe ba ba neng ba go bona go direga le bone ba baka Modimo.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-