Go sokologa ga ga Sakaio
1,2 Mme ya re a feta mo Jeriko, monna mongwe yo o neng a bidiwa Sakaio, yo e neng e le mongwe wa batlhotlheletsi ba Sejuta mo papading ya go phutha lekgetho la Seroma (ebile e le mohumi), 3 a leka go bona Jesu mme a ba a le mokhutshwane thata go mmona mo bontsintsing jwa batho. 4 Mme a sianela kwa pele a palama setlhare sa mosikamore fa thoko ga tsela, a lebelela a le koo.
5 E rile Jesu a feta foo a lelala Sakaio mme a mmitsa ka leina a re, "Sakaio! Itlhaganele! Fo-loga! Gonne ke ya go nna moeng mo lwapeng lwa gago gompieno!"
6 Sakaio a itlhaganela a fologa a tseela Jesu kwa tlung ya gagwe ka boitumelo jo bogolo.
7 Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, "O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe".
8 Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, "Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!"
9,10 Mme Jesu a mo raya a re, "Se se supa gore poloko e tsile mo lwapeng lo gompieno. Monna yo e ne e le mongwe wa bana ba ga Aberahame yo o neng a timetse, mme nna Morwa Motho, ke tsile go batla ke bo ke boloka mewa e e ntseng jaaka wa gagwe."