Jesu o tsena ka bogosi mo Jerusalema
28 Mme ya re Jesu a sena go bolela polelo e, a ya Jerusalema le barutwa ba gagwe (a ba eteletse pele). 29 Ya re ba tsena mo motsing wa Bethefeige le Bethania, mo Thoteng ya Lotlhware, a romela barutwa ba gagwe ba le babedi kwa pele, 30 a ba laela go ya kwa motseng o o fa pele le gore e re ba tsena ba senke tonki e e golegilweng fa thoko ga tsela. E tlaa bo e le tonkana, e e iseng e ke e palangwe. "E gololeng, mme lo e lere kwano. 31 Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dira eng, lo re, ‘Morena o a e batla!’ "
32 Mme ba bona tonkana jaaka Jesu a boletse, 33 mme ka boammaaruri ya re ba e golola, beng ba yone ba batla tlhaloso. Ba botsa ba re, "Lo dira eng? Lo gololelang tonkana ya rona?"
34 Mme barutwa ba fetola ba re, "Morena o a e batla!" 35 Mme ba lere tonkana kwa go Jesu ba pega dingwe tsa diaparo tsa bone mo go yone gore a e palame.
36,37 Mme bontsi jwa batho jwa ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, mme ya re ba fitlha fa tsela e fologelang gone go tswa kwa Thoteng ya Lotlhware, batho ba simolola go goa ba opela fa ba ntse ba tsamaya ba baka Modimo kaga dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng.
38 Ba ipela ba re, "Modimo o re neile Kgosi, e tshele ka boleele! A legodimo lotlhe le itumele! Kgalalelo go Modimo kwa magodimong!"
39 Mme bangwe ba Bafarasai mo gare ga batho ba re, "Morena, kgalemela balatedi ba gago go bua dilo tse di ntseng jalo!"
40 Mme a fetola a re, "Fa ba ka didimala, maje a a fa thoko ga tsela a, a tlaa thubega ka tuduetso!"