Go tsalwa ga ga Jesu
1 Ka nako e Kaesare Aguseto, Kgosi e kgolo ya Roma a ntsha molao wa gore merafe yotlhe e kwalwe. 2 Go kwalwa mo go ne ga dirwa ka lobaka lwa Kwirinio e le molaodi wa Siria.
3 Mongwe le mongwe o ne a kopiwa go boela kwa ga gabo mogolo go ikwadisa. 4 Mme Josefe ka e ne e le ngwana wa bogosi, a tshwanelwa ke go tswa kwa motseng wa Galalea wa Nasaretha a etela kwa Bethelehema mo Judea legae la bogologolo la ga Kgosi Dafide. 5 A tsamaya le Marea, mmeelediwa wa gagwe yo o neng a bonala a le moimana ka nako e.