Pular para o conteúdo
Publicidade

Luke 2

15 Erile mophato o mogolo wa baengele o sena go boela gape kwa legodimong, badisa ba raana ba re, "A re yeng! A re yeng kwa Bethelehema! A re yeng go bona kgakgamatso e e diragetseng, e Morena o re boleletseng kaga yone."

16 Mme ba sianela kwa motseng ba tsaya tsela e e yang kwa go Marea le Josefe. Mme ga bo go le ngwana a rapame mo bojelong. 17 Badisa ba bolelela mongwe le mongwe kaga se se diragetseng le se moengele o se ba boleletseng kaga ngwana yo. 18 Botlhe ba ba utlwileng polelo ya badisa ba gakgamala.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.

Veja também