25 Ka letsatsi leo monna yo o bidiwang Simione moagi wa Jerusalema, o na a le mo tempeleng. E ne e le monna yo o siameng, morapedi yo mogolo, a tletse Mowa o o Boitshepo ebile ka metlha yotlhe a solofetse Mesia go tla ka bonako. 26 Gonne Mowa o o Boitshepo o ne o iponaditse mo go ene gore ga a na go swa go fitlhelela a bona kgosi e e tloditsweng ya Modimo. 27 Mowa O O Boitshepo o ne wa mo tlhotlheletsa go ya kwa tempeleng ka letsatsi leo; mme jalo fa Marea le Josefe ba goroga go neela Jesu mo Moreneng ka go ikobela molao, 28 Simione o ne a le teng mme a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe, a baka Modimo.
29-31 A re, "Morena. Jaanong ke ka a swa ka kagiso! Gonne ke mmone jaaka o ntsholofeditse gore ke tlaa mmona, ke bone Mmoloki yo o mo neileng lefatshe. 32 Ke lesedi le le tlaa phatshimelang dichaba, e bile o tlaa nna kgalalelo mo bathong ba gago ba Iseraele!"