Publicidade

Lucas 2

4 Mme Josefe ka e ne e le ngwana wa bogosi, a tshwanelwa ke go tswa kwa motseng wa Galalea wa Nasaretha a etela kwa Bethelehema mo Judea legae la bogologolo la ga Kgosi Dafide. 5 A tsamaya le Marea, mmeelediwa wa gagwe yo o neng a bonala a le moimana ka nako e.

6 Mme fa ba sa le teng foo, lobaka lwa tla lwa gore ngwana a tsholwe; 7 mme a tshola ngwana wa ntlha, e le mosimane. A mo phuthela ka kobo a mmaya mo bojelong jwa diruiwa, gonne ba ne ba sena bonno mo motseng wa baeti.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-20_17-16-08-