Pular para o conteúdo
Publicidade

Luke 2

Jesu o bua le Baruti mo Tempeleng

41,42 Erile Jesu a le dingwaga di le lesome le bobedi a tsamaya le batsadi ba gagwe go ya kwa moletlong wa Tlolaganyo o ba neng ba o tsena ngwaga le ngwaga. 43 Morago ga moletlo ba simolola go boela gae kwa Nasaretha, mme Jesu a sala mo Jerusalema. Mme batsadi ba gagwe ga ba a ka ba mo tlhoka letsatsi la ntlha, 44 gonne ba ne ba gopola gore o na le ditsala mo baeting ba bangwe. Mme erile fa a sa bonale mo maabanyaneng ao, ba simolola go mmatla mo ditsaleng tsa bone.

45 Mme ya re ba sa mmone, ba boela kwa Jerusalema go ya go mmatla teng. 46,47 Morago ga malatsi a mararo ba mmona. O ne a le mo Tempeleng, a ntse fa gare ga baruti ba molao, a ganetsanya le bone ka dipotso tse di thata mme a gakgamatsa mongwe le mongwe ka kitso ya gagwe le dikarabo. 48 Mme batsadi ba gagwe ba se ka ba itse gore ba ka akanyang fa ba mmona a ntse foo a didimetse. Hong mmaagwe a mo raya a re, "Morwaaka! Ke eng fa o re diretse jaana. Rrago le nna re go batlile ka tlhoafalo gongwe le gongwe?"

49 Mme a ba raya a re, "Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa lemoge gore ke tlaa bo ke le fano mo Tempeleng, mo tlung ya ga Rre?"

50 Mme ba bo ba sa tlhaloganye gore o raya jang.

51 Hong a boela kwa Nasaretha le bone a ba utlwa; mme mmaagwe a boloka dilo tse tsotlhe mo pelong ya gagwe. 52 Mme Jesu a gola a nna moleele ebile a le botlhale, mme a ratwa ke Modimo le batho.

Veja também