8 Bosigo joo badisa bangwe ba bo ba le mo nageng kwa ntle ga motse, ba disitse letsomane la bone la dinku.
9 Ka tshoganetso moengele a iponatsa mo go bone mme lefatshe la phatsima ka ntlha ya kgalalelo ya Morena, mme ba tshoga thata. 10 Mme moengele a ba nametsa a re, "Se boifeng!" "Ke lo lereditse mafoko a boitumelo jo bogolo jo bo tlaa bolelwang ka bosakhutleng, mme ke jwa mongwe le mongwe! 11 Mmoloki ee, Mesia o tsetswe bosigong jono mo Bethelehema!