Petere o itatola Jesu
54 Jalo ba mo tshwara ba mo isa kwa bonnong jwa Moperesiti yo Mogolo, mme Petere a ba latela a katogetse kgakajana. 55 Mme masole a gotsa molelo mo lwapeng ba nna fa fatshe ba ora, mme Petere a ora nabo.
56 Mme motlhanka wa morweetsana a mo lemoga mo leseding la molelo hong a simolola go mo tlhoma matlho. Mme ya re lwa bofelo a re, "Monna yo o ne a na le Jesu!"
57 Petere a itatola a re, "Mosadi, ga ke itse monna yoo gotlhelele!"
58 Morago ga lobakanyana mongwe a mo leba a re, "O tshwanetse wa bo o le mongwe wa bone!" Petere a fetola a re, "Nnyaa rra, ga ke ene!"
59 E rile kwa moragonyana e ka nna lobaka lwa oura mongwe a tlhomamisa a re, "Ke itse motho yo, ke mongwe wa barutwa ba ga Jesu, gonne ba tswa Galalea mmogo."
60 Mme Petere a re, "Monna ke wena, ga ke itse gore o bua kaga eng." Mme ya re a bua mafoko a, mokoko wa lela.
61 Mme ya re ka lobaka loo Jesu a retologa a leba Petere mme Petere a gakologelwa gore o ne a mo reile a re, "Pele ga mokoko o lela ka moso mo mosong o tlaa bo o intatotse gararo." 62 Hong Petere a tswa mo lwapeng, a lela mo go botlhoko.