32,33 Dinokwane tse pedi di ne tsa tlisiwa go ya go bolawa nae kwa lefelong le le bidiwang "Logata." Ka boraro jwa bone ba bapolwa, Jesu a le mo mokgorong o o fa gare, dinokwane tse pedi di le mo ditlhakoreng.
34 Mme Jesu a re, "Rara, itshwarele batho ba, gonne ga ba itse se ba se dirang." Mme masole a kgaogana diaparo tsa gagwe ba di laola ka bola. 35 Batho ba lebelela. Mme Baeteledipele ba Sejuta ba sotla. Ba re, "O ne a siame thata go thusa ba bangwe, a re mmoneng a ipoloka fa e le gore ke ene tota yo o tlhophilweng ke Modimo go nna Mesia."
36 Mme masole le one a mo sotla ka go mo nosa seno se se botlha sa mofine. 37 Mme ba mo tlhaeletsa ba re, "Fa o le kgosi ya Bajuta, ipoloke!"
38 Kitsiso ya pegwa mo mokgorong fa godimo ga gagwe ka mafoko a, "Yo ke Kgosi ya Bajuta."
39 Mongwe wa dinokwane yo o neng a pegilwe go bapa nae a sotla a re, "Wa re o Mesia, a ga o ene? Itshupe ka go ipoloka le rona o re boloke." 40,41 Mme senokwane se sengwe sa re, "A le Modimo ga o o boife, le fa o o swa? Re tshwanetse go swa ka ntlha ya ditiro tsa rona tse di bosula, mme monna yo ga a a dira sepe se se molato." 42 Mme a re, "Jesu, o nkgopole fa o tsena mo Bogosing jwa gago!" 43 Mme Jesu a fetola a re, Tsatsi jeno o tlaa nna le nna kwa Paradaiseng ke go solofetsa ka boammaaruri.