39 Mongwe wa dinokwane yo o neng a pegilwe go bapa nae a sotla a re, "Wa re o Mesia, a ga o ene? Itshupe ka go ipoloka le rona o re boloke." 40,41 Mme senokwane se sengwe sa re, "A le Modimo ga o o boife, le fa o o swa? Re tshwanetse go swa ka ntlha ya ditiro tsa rona tse di bosula, mme monna yo ga a a dira sepe se se molato." 42 Mme a re, "Jesu, o nkgopole fa o tsena mo Bogosing jwa gago!" 43 Mme Jesu a fetola a re, Tsatsi jeno o tlaa nna le nna kwa Paradaiseng ke go solofetsa ka boammaaruri.
Publicidade