Jesu le barutwa ba gagwe kwa Emau
13 Ka lone letsatsi leo, balatedi bangwe ba ga Jesu ba le babedi ba bo ba ya kwa motsaneng wa Emau; bokgakala jwa dimmaele di supa go tswa kwa Jerusalema.
14 Ya re ba ntse ba tsamaya ba bo ba bua; kaga loso lwa ga Jesu, 15 mme ka tshoganetso Jesu ka sebele a tla a tseisanya nabo tsela!
16 Mme ba se ka ba mo lemoga, gonne Modimo o ne wa dira gore ba seka ba lemoga. 17 A ba raya a re, "Lo lebega o ka re lo tshotse kgang e tona ka ga sengwe. Lo tshotse kgang ka ga eng?" Ba ema go se kae ba tlhontse difatlhogo.
18 Mme mongwe wa bone, ebong Keleopase a fetola a re, "E tshwanetse ya bo e le wena fela mo Jerusalema yo o iseng o utlwalele dilo tse di gakgamatsang tse di diragetseng mo bekeng e e fetileng." 19 Jesu a botsa a re, "Dilo di fe?" Ba re, "Dilo tse di dirageletseng Jesu, wa Monasara. E ne e le Moporofiti yo o neng a dira dikgakgamatso tse di leng thata go dumelwa ebile e le Moruti yo mogolo yo o neng a tlotlwa thata ke Modimo le batho. 20 Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ya rona ba mo tshwara ba mo neela mmuso wa Se-Roma go atlholelwa loso, ba bo ba mmapola. 21 Re ne re solofetse gore e ne e le Mesia yo o galalelang yo o tsileng go golola Iseraele. Mme jaanong, mo godimo ga mo gotlhe mo go diragetseng mo malatsing a mararo a a fetileng, 22,23 basadi bangwe ba setlhopha sa rona sa balatedi ba gagwe ba ne ba le kwa phupung phakela thata mme ba boa ka polelo e e hakgamatsang e e reng setopo sa gagwe ga seyo, le gore ba bonye baengele gone ba ba ba boleletseng gore Jesu o a tshela! 24 Bangwe ba rona ba ne ba sianela teng go ya go bona, mme ka boammaaruri jo bo tletseng setopo sa ga Jesu sa bo se seyo, fela jaaka basadi ba boletse."
25 Mme Jesu a ba raya a re, "Lo dieleele go le kae? A batho ba ba dieleele! Lo palelwa ke go dumela se baporofiti ba se kwadileng mo dikwalong! 26 A ga go a tlhalosiwa pele ke baporofiti gore Mesia o tlaa bogela dilo tse tsotlhe pele ga a tsena mo kgalalelong ya Gagwe!"
27 Mme a ba phuthololela mafoko ka go latelana ga one mo dikwalong tsa baporofiti, a simolola ka lokwalo lwa Genesese mme a tsamaya le dikwalo tse dingwe, a tlhalosa gore mafoko a ne a raya eng le gore a ne a bua kaga gagwe.
28 Ka nako e ba ne ba atamela Emau kwa ba neng ba ya teng. Jesu a dira jaaka o ka re o santse a fetela kwa pele, 29 mme ba mo kopa go lala nabo, ka nako e ne e setse e fetile. Jalo a ya lwapeng nabo. 30 Mme ya re ba nna fa fatshe ba a ja, a kopela dijo tshegofatso mo Modimong mme a tsaya senkgwe se sennye a se ngathoganya a se ba naya, 31 ka bonako matlho a bone a bulega mme ba mo lemoga! mme ka sone sebaka se a nyelela. 32 Ba simolola go bolelelana ka fa dipelo tsa bone di tlhotlhelesegileng ka teng fa a bua le bone a tlhalosa dikwalo fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng.
33,34 Fela ka yone nako eo ba nanoga ba boela kwa Jerusalema, kwa barutwa ba ba lesome le motso le balatedi ba bangwe ba ga Jesu ba neng ba ba dumedisa ka mafoko a, "Ruri Morena o tsogile. O iponaditse mo go Petere!" 35 Mme ba babedi ba ba tswang Emau ba bolela ka fa Jesu a iponaditseng mo go bone ka teng fa a ngathoganya senkgwe.