Publicidade

Lucas 5

Jesu o fodisa molepero

12 Mme ka letsatsi lengwe mo motsaneng mongwe o a neng a o etela, teng koo ga bo go le monna yo o neng a na le lepero le le sa foleng. Erile a bona Jesu a itigela fa fatshe fa pele ga gagwe, a oba sefatlhogo a kopa gore a fodisiwe. A re, "Morena, fa o rata o ka mphodisa."

13 Hong Jesu a otlolola seatla a ama monna yoo mme a re, "Go ntse jalo ke a rata, fola!" Mme lepero la mo tlogela ka bonako.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-