Publicidade

Lucas 5

18,19 Mme bonang! banna bangwe ba tlaa ba tshotse monna yo o suleng mofama a robetse mo phateng. Ba leka go itshukela mo gare ga bontsintsi jwa batho go ya kwa go Jesu mme ba se ka ba mmona. Jalo ba tlhatlogela mo ditlhomesong fa godimo ga gagwe, ba tlosa makote a a neng a khurumetse ditlhomeso mme ba baya fa fatshe monna yo o lwalang mo bontsintsing jwa batho, a ntse a robetse mo phateng, fa pele ga ga Jesu!

20 Mme ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya monna a re, "Tsala ya me, dibe tsa gago di itshwaretswe!"

21 Mme Bafarasai le baruti ba molao ba botsanya ba re, "Motho yo o ikgopola a le eng?" O a tlhapatsa! E mang fa e se Modimo yo o ka itshwarelang dibe. 22 Jesu a ba a setse a itsile se ba se akantseng, mme a fetola a re, "Ke eng fa e le tlhapatso? 23 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?"

24 Jaanong ke tlaa supa thata ya me go itshwarela sebe ka go supa nonofo ya me ka go fodisa bolwetse. Mme a raya monna yo o suleng mofama a re, "Ema o menaganye phate ya gago o ye gae." 25 Mme ya re ka bonako, fa mongwe le mongwe a lebeletse, monna a nanoga a tsaya phate ya gagwe a ya gae a baka Modimo.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-