Jesu o tlhopha Lefi
27 Mme morago ya re Jesu a tswa mo motseng a bona mokgethisi ka sekao sa gale sa go tsietsa a ntse fa bokgethelong. Leina la monna yo e ne e le Lefi, Jesu a mo raya a re, "Tla o nne mongwe wa barutwa ba me!"
28 Mme Lefi, a tlogela sengwe le sengwe a nanoga a tsamaya le ene.