6 Ka Sabata nngwe o ne a le mo tlung ya thuto a ruta, mme monna mongwe a ba a le foo yo o golafetseng letsogo le legolo. 7 Baruti ba molao le Bafarasai ba lebelela sentle go bona gore a o tlaa fodisa monna ka letsatsi leo, ka e ne e le la Sabata. Gonne ba ne ba ikaeletse go mmaya molato. 8 Hong a itse megopolo ya bone jang! Mme a raya monna yo o neng a golafetse letsogo a re, "Tla o eme fa, fa mongwe le mongwe a tlaa go bonang gone." Mme monna a dira jalo.
9 Hong Jesu a raya Bafarasai le baruti ba molao a re, "Ke na le potso. A go siame go dira tshiamo ke letsatsi la Sabata, kgotsa go tlhokofatsa? Go boloka botshelo kgotsa go bo senya?"
10 A leba mongwe le mongwe wa bone mme a raya monna a re, "Otlolola letsogo la gago," mme ya re a le otlolola, la fola!