Publicidade

Lucas 7

31 Mme Jesu a ba botsa a re, "Ke ka reng ka batho ba ba ntseng jalo? Ke ka ba tshwantsha le eng? 32 Ba tshwana le setlhopha sa bana ba ba ngongoregang mo ditsaleng tsa bone, ba re, Ga lo rate fa re tshameka "Lonyalo" e bile ga lo rate fa re tshameka phitlho!33 Gonne Johane wa Mokolobetsi o ne a tlwaetse go tsamaya a sa tsaya dijo e bile a se ke a tsaya seno mo botshelong jwa gagwe jotlhe, mme lwa re, O tshwanetse a ba a tsenwa!34 Mme ke ja dijo tsa me e bile ke nwa mofine wa me mme lwa re, Kana Jesu o rata dijo jang! E bile o a nwa! E bile o na le ditsala tsa mofuta o o kwa tlase!35 Mme nna ke tlhomamisa gore lo ka kgona go itshegetsa mo tshiamololong ya lona."

Mosadi wa seaka o tlotsa Jesu lookwane

36 Hong mongwe wa Bafarasai a kopa Jesu gotla kwa lwapeng lwa gagwe go ya go ja, mme Jesu a amogela taletso eo. Ya re ba nna fa fatshe ba a ja, 37 mosadi wa mebila, wa seaka, a utlwalela fa Jesu a le foo mme a lere lebotlolo le tletse setlolo se se tlhwatlhwa kgolo.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-