22 Ka letsatsi lengwe mo lobakeng loo, fa ene le barutwa ba gagwe ba le kwa ntle mo mokorong, a ntsha mogopolo wa gore ba kgabaganyetse ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha. 23 Mme ya re ba kgabaganya a rapama a thulamela, mme ya re a sa ntse a robetse ga tsoga matsubutsubu a phefo a a boitshegang a leka go kgaphela mokoro mo lewatleng. Mme ba ne ba le mo diphatseng tse di kgolo.
24 Mme ba taboga ba mo tsosa ba goa ba re, "Morena, Morena re a nwela!" Hong a bua le phefo a re, "Kgaotsa," mme diphefo le makhubu a metse tsa khutla, gotlhe ga nna tidimalo.
25 Mme a ba botsa a re, "Tumelo ya lona e kae?" Mme ba bo ba tletse therego le go mmoifa ba raana ba re, "Monna yo ke mang, yo le e leng diphefo le makhubu a metse a mo utlwang?"