27 Ya re a fologa mo mokorong monna yo o tswang mo motseng wa Gatara a tla go mo kgatlhantsha, monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe ka lobaka lo lo leele. A se na legae a bile a sa ikatega, a nna mo mabitleng mo gare ga diphupu. 28 Ya re ka bonako fa a bona Jesu a gala a wela fa fatshe fa pele ga ga Jesu, a goa, a re, "O batla go dirang ka nna, Jesu, Morwa Modimo o o tlotlegang? Tsweetswee, ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa!"
29 Gonne Jesu o ne a setse a laola mowa o o maswe gore o tswe mo go ene. Mowa o o maswe o ne o tle o laole monna yo mo e leng gore e ne e tle e re le fa a bofilwe ka dikeetane a kgaole mme a siele mo nageng, a laolwa ke mowa o o maswe gotlhelele.
30 Mme Jesu a botsa mowa oo maswe a re, "Leina la gago ke mang?" Mme wa fetola wa re, "Diketekete," gonne o ne a tletse diketekete tsa mowa o o maswe! 31 Mme ya mo kopa gore a se ka a e laolela go tsena mo lehuting le le senang bolekanngo.
32 Serapa sa dikolobe sa bo se fula gautshwane mo mhapheng wa thaba mme mewa e e maswe ya mo kopa gore a e letle go tsena mo dikolobeng. Mme Jesu a e letla. 33 Mme ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme ka bonako serapa sotlhe sa kgokologa thaba sa wela mo teng ga lecha kwa tlase, mo di neng tsa nwela teng tsotlhe. 34 Hong badisa ba dikolobe ba sianela kwa motsing o o gaufi, ba gasa mafoko fa ba ntse ba siana. 35 Ka bofefo bontsintsi jwa batho jwa tla go iponela ka bobone se se diragetseng mme ba bona monna yo o neng a tsenwe ke mowa o o maswe a ntse ka tidimalo fa dinaong tsa ga Jesu, a apere a bile a ikutlwa sentle. Mme bontsintsi jwa batho botlhe ba tshoga thata.