Jesu o tsosa morwadia Jairo
40 Ka fa ntlheng e nngwe ya lecha bontsintsi jwa batho jwa mo amogela ka botlalo, gonne ba ne ba ntse ba mo lebeletse.
41 Mme jaanong monna yo o neng a bidiwa Jairo, moeteledipele wa ntlo ya thuto ya Sejuta, a tla a wela fa dinaong tsa ga Jesu a mo kopa gore a ye nae kwa ga gagwe, 42 gonne ngwana wa gagwe yo o esi o ne a swa, morweetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme Jesu a tsamaya nae, ba sutlhelela ka bothata mo gare ga batho.
43,44 Ya re ba ntse ba tsamaya mosadi yo o neng a batla phodiso a tla kwa morago a ama Jesu, gonne o ne a dutlile madi ka bonya selekanyo sa dingwaga di le lesome le bobedi, mme a sa bone kalafi (ntswa a sentse sengwe le sengwe se a neng a na naso mo dingakeng), mme nako e o neng a ama ntlha ya seaparo sa ga Jesu, madi a ema.
45 Mme Jesu a botsa a re, "Ke mang yo o nkamileng?" Mme mongwe le mongwe a itatola, mme Petere a re, "Morena, bontsintsi bo go dikaganyeditse…"
46 Mme Jesu a mo raya a re, "Nnyaa, e ne e le mongwe fela yo o nkamileng ka bomo, gonne ke utlwile nonofo ya phodiso e tswa mo go nna."
47 Mme ya re mosadi a lemoga gore Jesu o a itse, a simolola go roroma a wela fa fatshe ka mangole fa pele ga gagwe a mmolelela go re o ne a mo amelang le gore jaanong o fodile.
48 Hong Jesu a mo raya a re, "Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso." 49 E rile a sa ntse a bua le ene, morongwa a goroga a tswa kwa lapeng la ga Jairo ka mafoko a a reng ngwanyana o sule. A raya rraagwe ngwana a re, "O sule, ga go thuse go tshwenya Moruti jaanong."
50 Mme e rile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a raya rraagwe ngwana a re, "Se boife! Ikanye nna fela, ngwana o tla siama."
51 Ya re ba goroga kwa tlung Jesu a se ka a letla ope go tsena mo tlung fa e se Petere, Jakobe le Johane le batsadi ba morweetsana.
52 Lelapa le ne le tletse batho ba ba hutsafetseng, mme a re, "Lesang go lela! Ga a a swa; o robetse fela!" 53 Se sa tlisa tshotlo le setshego, gonne ba ne ba itse botlhe gore o sule.
54 Hong a mo tshwara ka seatla a mmitsa a re, "Tsoga morweetsana." 55 Mme ka yone nako eo a rula a nanoga! A ba raya a re, "Mo neeng sengwe a je!" 56 Batsadi ba gagwe ba ne ba itumela thata. Mme Jesu a ba laya gore ba seka ba bolelela ope kaga se se diragetseng.