Publicidade

Lucas 8

43,44 Ya re ba ntse ba tsamaya mosadi yo o neng a batla phodiso a tla kwa morago a ama Jesu, gonne o ne a dutlile madi ka bonya selekanyo sa dingwaga di le lesome le bobedi, mme a sa bone kalafi (ntswa a sentse sengwe le sengwe se a neng a na naso mo dingakeng), mme nako e o neng a ama ntlha ya seaparo sa ga Jesu, madi a ema.

45 Mme Jesu a botsa a re, "Ke mang yo o nkamileng?" Mme mongwe le mongwe a itatola, mme Petere a re, "Morena, bontsintsi bo go dikaganyeditse"

46 Mme Jesu a mo raya a re, "Nnyaa, e ne e le mongwe fela yo o nkamileng ka bomo, gonne ke utlwile nonofo ya phodiso e tswa mo go nna."

47 Mme ya re mosadi a lemoga gore Jesu o a itse, a simolola go roroma a wela fa fatshe ka mangole fa pele ga gagwe a mmolelela go re o ne a mo amelang le gore jaanong o fodile.

48 Hong Jesu a mo raya a re, "Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso."

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-29_22-07-56-