Publicidade

Lucas 8

49 E rile a sa ntse a bua le ene, morongwa a goroga a tswa kwa lapeng la ga Jairo ka mafoko a a reng ngwanyana o sule. A raya rraagwe ngwana a re, "O sule, ga go thuse go tshwenya Moruti jaanong."

50 Mme e rile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a raya rraagwe ngwana a re, "Se boife! Ikanye nna fela, ngwana o tla siama."

51 Ya re ba goroga kwa tlung Jesu a se ka a letla ope go tsena mo tlung fa e se Petere, Jakobe le Johane le batsadi ba morweetsana.

52 Lelapa le ne le tletse batho ba ba hutsafetseng, mme a re, "Lesang go lela! Ga a a swa; o robetse fela!" 53 Se sa tlisa tshotlo le setshego, gonne ba ne ba itse botlhe gore o sule.

54 Hong a mo tshwara ka seatla a mmitsa a re, "Tsoga morweetsana." 55 Mme ka yone nako eo a rula a nanoga! A ba raya a re, "Mo neeng sengwe a je!" 56 Batsadi ba gagwe ba ne ba itumela thata. Mme Jesu a ba laya gore ba seka ba bolelela ope kaga se se diragetseng.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-