Publicidade

Lucas 9

12 Mo tshokologong barutwa botlhe ba ba lesome le bobedi ba tla ba mo kopa gore a phatlalaletse batho kwa metsaneng le masimo a a gautshwane go ya go batla dijo le marobalo. Ba re, "Gonne ga go na se se jewang fa mo sekakeng se."

13 Mme Jesu a fetola a re, "Ba feng dijo!" Mme bone ba re, "Go reng, re na le dinkgwe di le tlhano fela le ditlhapi tse pedi mo gare ga bontsintsi jwa rona, kgotsa o gopotse gore re ye go rekela bontsintsi jo dijo tse di lekaneng?" 14 Gonne go ne go na le batho ba ka nna dikete tse tlhano foo. Jesu a fetola a re, "Ba reyeng ba nne fa fatshe ka ditlhopha tse di ka nnang tsa masome a matlhano." 15 Mme ba dira jalo.

16 Mme Jesu a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa godimo mo loaping a leboga; mme a ngathoganyetsa barutwa ba gagwe go di abela batho. 17 Mme mongwe le mongwe a ja a kgora; mme ga sala diroto di le lesome le bobedi di tletse masalela!

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-