27 Mme boammaaruri jo e leng jone ke jo, bangwe ba lona ba ba emeng fano fa nako e, ga ba kitla ba a swa go fitlhelela lo sena go bona Bogosi jwa Modimo!"
Kgalalelo ya ga Jesu
28 Morago ga malatsi a le lesome le bofera bobedi Jesu a tsaya Petere, Jakoba le Johane go ya go rapela kwa dithabeng. 29 Mme ya re a ntse a rapela, sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatsima le diaparo tsa gagwe tsa sweufala tsa lakasela. 30 Hong banna ba babedi Moshe le Elija ba iponatsa mme ba simolola go bua nae. 31 Ba ne ba bonala ba galalela, ba le bantle thata; ba bua ka loso lwa gagwe lo lo tlaa diragalang kwa Jerusalema go diragatsa leano la Modimo.