38 hong monna mongwe mo bontsing a mo tlhaeletsa a re, "Moruti, mosimane yo o fano yo ke ene fela morwaake, 39 mme mowa o o maswe o tsweletse ka go mo tshwenya, o mo dira gore a goe; mme o mo karalatse gore a bo a phoke mafulo mo molomong; o aga o mo keteka, mme ga o ke o bo o mo tlogela. 40 Ke kopile barutwa ba gago gore ba kgoromeletse mowa o o maswe o kwa ntle mme ga ba a ka ba kgona."
41 Hong Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, "Batho ba ba logwadi ke lona ba lo senang tumelo, ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae? Mo tliseng kwano."
42 Ya re mosimane a tla mowa o o maswe wa mo digela fa fatshe wa mo karalatsa mo go botlhoko. Mme Jesu a laola mowa o o maswe gore o tswele kwa ntle, a fodisa mosimane mme a mo neela rraagwe.
43 Mme batho ba welwa ke kgakgamalo fa ba bona tiragalo ya nonofo ya Modimo. E rile ba sa ntse ba bolela dilo tse di molemo tse o neng a di dira, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re,